Webosite e e ka ga Jesu Kreste le ka loeto la rona mo go Mo amogeleng jaaka Morena le Mmoloki wa matshelo a rona. Re ka itemogela lerato la Modimo, Rraarona ka Morwa wa gagwe Jesu Kreste le ka gonna teng ga Moya o Boitshepo. Tsaya nako go buisa tshedimosetso e e mo webositeng eno. Fa o fetsa, o tsee tswetso e e botlhokwa ka botshelo jwa gago.


Dikgang tse di tlhabolotsweng

Baranodi ba puo ya IsiZulu. Re batlana le baranolodi ba puo ya IsiZulu gore ba feleletse thanolo ya isiZulu. Fa o na le kgatlhego, kakopo ikgolaganye le rona.
  • 26 September 2021: Dilwana tse dintsi tsa dikgang di teng ka leleme la Seesemane.

Leano la Modimo

Buka ya Botshelo

Buka ya botshelo ke rekoto e e kwadilweng ke Modimo pele ga a dira lefatshe. E na le lenaane la bao ba tla nnang kwa legodimong. O ka netefatsa gore leina la gago le nna gone mo lenaaneng, ka go dumela.

3Ee, le wena ke a go rapela, mmelegajokwe ka nna wa mmaanete, kare, thusa basadi bao, gonne ba kile ba dira lenna mo mafokong a a molemo, le ene Kelemente, le ba bangwe badiri ka nna, ba maina a bone a mo lokwalong lwa botshelo. – Bafilipi 4:3
The Book of Life

Modimo o a go rata

Jaaka motsadi yo o ratang bana ba gagwe a ba otlhaya, Modimo o otlhaya ba a ba ratang. Se se botlhokwa ka go re rata ga gagwe, ke gore siamisa fa re leofa. Fa o ise o itemogele lerato la motsadi, Modimo o le diragatsa go feta. Ke Rre yo o lerato.

12Gonne yo Jehona o mo ratang, o tle a mo kgalemele, fela jaaka rra motho a tle a kgalemele morwawe yo o natefelang. – Diane 3:12
God Loves you

Modimo o go rata mo go senang tekanyo

Botshelo jwa gago jotlhe, gontse go na le Rre yo o kgathalang, yo o go ratang go feta ka moo o ka lemogang ka teng. Modimo o a go rata, go sa kgathalasege gore o dirileng mo nakong e e fetileng.

8Modimo one, o re tlhomamiseditse lorato lwa one, ka e rile re santse re le baleofi, Keresete a re swela. – Baroma 5:8
God loves you unconditionally

Ke eng fa re palelwa ke go itemogela lerato la Modimo?

Batho ba le bantsi ba akanya fa ba tshwanetse go dira ka thata go ka amogela bomolemo jwa Modimo. O ka ikutlwa jaaka gale gompieno. O dumela fa o tshwanetse go bontsha gore o ka fenya bomolemo jwa Modimo ka ditiro le ka ditiro tse di siameng. Le kwantle ga matsapa a rona a a gaisang a botho, re a palelwa.

8Gonne lo ntse lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo; mme le gone go kile gone go bile go sa tswe mo go lona; ke neo ya Modimo; go sa tswe mo ditirong, gore go se nne le motho ope yo o tla ipelafatsang. – Baefeso 2:8-9
Failing to experience God's love for us

Tsela e e botoka

Re nagana fa re ka falola ka borona, mme fela Rre yo o lerato o itse botoka go re gaisa. O na le tsela e e botoka go feta e o tsamayang ka yone ga jaana. E go tliseditse kutlobotlhoko. Bona gore O e tlhalosa jang:

12Go na le tsela e e eketeng e siame mo mothong, mme bokhutlo jwa yone ke ditsela tsa loso. – Diane 14:12
The better way

Re ka itemogela jang lerato le Modimo a re ratang ka lona?

Modimo wa nnete o re itshenolela ka Jesu. Lentswe la Modimo lare:

16Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa One yo o tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang o o dumelang mo go ene, a seka a nyelela, mme a bone botshelo jo bo sa khutleng. Johane 3:16
ITEMOGELE LERATO LA MODIMO

Itemogele se o se tlhokang

O nyorilwe, o be o nwa metsi. O tla nyorwa gape. Pelo ya gago e go raya ere go na le lenyora le le feteletseng. Lenyora le, le ka timolwa fela ka lerato la Modimo ka Morwa wa gagwe, Jesu. Fa a ka nyorolola pelo ya gago, o ka se nyorwe gape.

14Mme le fa e le mang o o tla nwang metsi a ke tla a mo nosang, ga a kitla a tlhola a nyorwa gape.Johane 4:14
Itemogele sebe sa gago

Sokologa mo sebeng sa gago

Fa o dumela gore o tlhoka Jesu Kreste mo botshelong jwa gago, kgato e e latelang ke go ikwatlhaa. O lemoga gore o modiradibe, le gore o ka se nne mo go nneng teng ga Modimo o ntse o le mo maemong a o leng mo go one. O a dumela gore o leofile, le fa o sa itse dibe tsa gago ka botlalo.

19Ke gone, ikwatlhaeng, lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe, – Ditiro 3:19
Sokologa mo sebeng sa gago

Ikwatlhaele dibe tsa gago

Kgato ya boraro ke go kopa boitshwarelo jwa dibe tsa gago tsa jaanong o sokologe mo dibeng tsa gago. O kope Jesu gore a tlatse pelo ya gago e e lolea. Fa o kopa Jesu go tsena mo botshelong jwa gago, o tla tsena, ka gore tlholego ya Gagwe e le ya boammaaruri.

9Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanyo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona, le go re tlhapisa mo tshiamololong yotlhe. – 1 Johane 1:9
Ikwatlhaele dibe tsa gago

Ikopele boitshwarelo jwa Modimo

The final step is to receive His Love and forgiveness. What does Jesus say about Himself? One of the key verses is in the Gospel of John and the one verse that will save your life!

6Jesu a mo raya are: Ke nna tsela, le boammaruri le botshelo, ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.Johane 14:6
Ikopele boitshwarelo jwa Modimo

Go diragalang jaanong?

Dikgato tse dinne ke tse: Itemogele, Ikwatlhaele, Ikopele o Amogele. Fa o tlhaloganya dikgato tse, ebile o tsaya tshwetso ya go amogela Jesu mo botshelong jwa gago, o tla nna le botshelo jo bo sa khutleng. Ga o a ikaega ka melao e e tlisang poifo gore e latelwe. Tsela ya Modimo ka Jesu ke lerato.

18Ga gona poifo epe mo loratong; mme lorato lo lo itekanetseng lo tle lo latlhele poifo kwa ntle, ka poifo e na le petso. Yo o boifang ga a dirwa boitekanelo mo loratong. – 1 Johane 4:18
Go diragalang jaanong?

Tshekatsheko ya Johane Kgaolo ya Boraro

Efangeli ya ga Johane e tlhalosa lerato la Modimo mo mothong, ke yone konokono ya go tsalwa seswa ga rona. Karolo e e tlhalosa ka botlalo ka mokgwa o Johane wa Mokolobetsi a bankantseng tsela ya Jesu gore A diragatse thomo ya gagwe.

Johane Kgaolo ya Boraro

Tshedimosetso

Porojeke ya Beibele

Porojeke ya Beibele e dira gore lefoko la Modimo le bonagale ka tiriso ya dithswantsho. Ke tsela e e siameng ya go go thusa gore o tlhaloganye dibuka tsa Beibele. O tla segofadiwa ke tsela e e lapolosang le go tshegisa ka teng.

Porojeke ya Beibele

Beibele

App ya Olive Tree Bible ke website e e siameng go feta go go thusa go buisa Beibele. E na le di app tse o ka di dirisang mo mogaleng wa gago wa letheka, di bonolo go ka dirisiwa, le Beibele tsa maleme a a farologaneng, dimmepe, le dikakgelo, e ke yona lebenkele la gago la ntlha la go ka buisa Beibele.

Olive Tree Bible Study

Ke wa bobedi

Ke wa bobedi when I decide that Jesus reigns in my life. He fills the top spot, and so you take second place. See the testimonies of people all over the world that have decided they are second. [ Ke wa bobedi ]

Ke wa bobedi

Enduring Word

Enduring Word is one of the most exhaustive online Bible Study series about the entire Bible available, covering aspects in a doctrinally sound way. Definitely worth a visit as part of your daily Bible study.

Enduring Word

O seka wa sala kwa morago.

Jaanong fa e le gore Bakreste ba nepile? Ba botlhe ba tshwanela go itse gore Modimo o go boleletse gore go tlile go diragalang ka bokhutshwane. Ga go yo o salang kwa morago yo o tla tshabelang kwatlhao ya Modimo. Molaetsa ke yo go ba ba saletseng kwa morago, ka ebile BaKreste ba nnete ba ba dumelang ba setse ba ile.

John Chapter Three ka maleme a mangwe

A o ne o itse gore dikarolo tse dingwe tsa website ya Johane Kgaolo ya Boraro di teng ka maleme a mangwe? O ka lebelela leano la Modimo ka botshelo jwa gago ka leleme la Afrikaans, leleme la Arabic, leleme la Russia le la IsiZulu. Re leboga baranodi ba rona ka tiro e e kgolo ya bone!

Ikgolaganye

Re ka rata go utlwa go tswa mo go wena. Gololesega go re romelela molaetsa.





Website e, ga e boloke tshedimosetso ya batho epe. Puisano ya email e sireletsegile mo sephiring. [ Leano la sephiri ]